Access to Information Manual (Setswana)


August 2012/13

Access PDF version [PDF] 95 kb

Bukana go ya ka karolo 14 ya Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso (PAIA) ya 2000 (Molao 2 wa 2000)

 

  1. Pulamadibogo
  2. Maikarabelo a GCIS
    2.1 Dikarolo tsa GCIS
    2.2 Tlhaloso e e tseneletseng ka ga ditiro tsa tsone
    2.3 Sebopego sa botsamaisi jwa GCIS
  3. Dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso
  4. Kaedi ya Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa malebana le go dirisa Molao
  5. Direkoto
    5.1 Tlhaloso ya dikarolo tseo GCIS e tshotseng direkoto mo go tsona
    5.2 Direkoto tseo ka tlhamalalo di leng teng go kwa GCIS
  6. Tsamaiso ya kopo
  7. Ditharabololo tse di leng teng go ya ka melao kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato
  8. Dituelo tse di rebotsweng
  9. Diforomo tse di kailweng malebana le phitlhelelo ya rekoto ya setheo sa setšhaba

1. Pulamadibogo

Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000 (Molao wa bo 2 ka ngwaga wa 2000) o kaya gore setheo sengwe le sengwe se tshwanetse go tlhopha Motlhankedi wa Tshedimosetso le Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso kgotsa Batlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso ba ba yang go rwala maikarabelo a go rulaganya dikopo mabapi le phitlhelelo ya tshedimosetso, le go thusa bakopi go dira dikopo tsa bone.

Bukana e, e dirilwe jaaka kaedi tebang le ka fao maloko a setšhaba a ka fitlhelelang tshedimosetso e e tshotsweng ke ba Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS). E tlhalosa tshedimosetso e o ka e bonang gotswa mo lefapheng le gore o ka e fitlhelela jang. Bukana e tsenya tirisong tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso, e e tlhagelelang mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996.

Ntle le direkoto, tseo gape di bediwang difaele, bukana e e na gape le dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso le tsa Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso.

2. Maikarabelo a GCIS

Maikarabelomagolo ya GCIS ke go abelana ka boeteledipele jwa ditogamaano mo ditlhaeletsanong tsa puso le go gokaganya mokgwa wa ditlhaeletsano tsa puso o o netefatsang gore setšhaba se sedimosetswa ka ga dipholisi, maano le manaane a puso.

Ponelopele: Kubo ya tlhaeletsano e e gaisang mo pusong.

Maikaelelo: Go abelana ka ditirelo tsa seporofešenale, go tlhoma le go tlhotlheletsa tsamaisano ya selekano mo go diragatseng mokgwa wa puso wa tlhaeletsano le go kganna momagano ya melaetsa ya puso le go iketetsapele mo go tlhalosetseng setšhaba ka ga dipholisi, maano, manaane, le diphitlhelelo tsa puso.

2.1 DIKAROLO TSA GCIS

GCIS e bopegile ka tsela eo e leng gore e tshwanetse go fitlhelela maikarabelo ya yone jaaka e tlhalositswe fa godimo. E na le dikarolo kgotsa dikgaolo tsa bokaedibogolo di le 15:

2.1.1    Ditlhagiso le Dirala
2.1.2    Bophasalatsi le Boabi
2.1.3    Pholisi le Bobatlisisi
2.1.4    Ditirelo tsa Matlole, tsa Thulaganyo ya Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo go akaretsa le tsa Tlaleletso
2.1.5    Botsamaisi jwa Badiredi
2.1.6    Botsamaisi jwa Tshedimosetso le Thekenoloji
2.1.7    Botsamaisi jwa Dithoto le Dikago
2.1.8    Kantoro ya Ditogamaano le Botsamaisi jwa Manaane
2.1.9    Bokatise le Tlhabololo
2.1.10    Botlhokomedi jwa Ngatana: Lekala la Ikonomi le Bothapi; Tlhabololo ya Mafaratlhatlha; Bosiamis, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso; Tirisanommogo ya Bosetšhaba, Kgwebisano le Tshireletso
2.1.11    Botlhokomedi jwa Ngatana: Tlhabololo ya Batho; Tshireletso ya Loago le Tlhabololo ya Setšhaba; Bobusi le Tsamaiso
2.1.12    Dikgokaganyo tsa Porofense le Selegae
2.1.13    Ditherisano le Bobegadikgang
2.1.14    Bophasalatsi le Boreki jwa Bobegadikgang
2.1.15    Boruni jwa ka fa Gare

2.2 TLHALOSO E E TSENELETSENG KA GA DITIRO TSA TSONE

2.2.1    LEPHATA: TIRAGATSO LE KABO

Lephata la Tiragatso le Kabo le gokaganya tlhamo le tiragatso ya Togamaano ya Ditlhaeletsano tsa Bosetšhaba.

Ditiro tsa lephata leno ke go:
•    dira dipatlisiso tseo di sekasekang ka fao puso e ka sedimosetsang ditlhokwa tsa ditlhaeletsano tsa setšhaba
•    sekaseka bobegadikgang jwa manaane a puso ka tiriso ya ditlhaeletsano
•    abelana ka kaelo ya ditogamaano mo go sekasekeng le mo go tlharaloleng bobegadikgang jwa makwalo le jwa ileketeroniki mo go tlaleletseng mo ditlhaeletsanong tsa porofešenale tse di mo nakong tsa puso
•    tlhagisa ditlhaeletsano tsa diphasalatso/dirala le diteng tsa tsone
•    reka nako ya go bapatsa le/kgotsa sebaka se se tlhokagalang gore dikgoeletso tsa diphasalatso tsa puso di atlege
•    tlhokomela katiso ya ditlhaeletsano le tlhabololo ya bokgoni mo batlhaeletsaning ba puso.

Lephata le, le na le dikgaolo tsa bokaedibogolo tse di latelang:
•    Ditlhagiso le Dirala
•    Pholisi le Bobatlisisi
•    Bophasalatsi le Boabi

A    Ditlhagiso le Dirala e samagane le dirala di le mmalwa tse di farologaneng tsa tlhaeletsano tseo di tlhamilweng le go tsamaisiwa ke GCIS). Dirala tseno ke bong jwa karolo ya maikano a rona a go sedimosa maAforika Borwa le batsayakarolo gotlhe ka ga dipholisi le dikgato tsa puso le ditšhono tse di tlhagelelang go tswa mo manaaneng ao go unngwela badudi, dikgwebo le badirisanimmogo ba bangwe.

B    Pholisi le Bobatlisisi bo dira dipatlisiso tseo di sekasekang ka fao puso e ka sedimosetsang ditlhokwa tsa ditlhaeletsano tsa setšhaba le go sekaseka bobegadikgang jwa manaane a puso ka tiriso ya ditlhaeletsano.

C    Bophasalatsi le Boabi bo netefatsa gore GCIS e na le ditogamaano tse di nonofileng tsa bophasalatsi le boabi mo diphasalatsong le diraleng tsotlhe tsa yone.

2.2.2    LEPHATA: BOGOKAGANYI JWA DIKAMANO TSA MEBUSO LE BOTSAMAISI JWA BATSAYAKAROLO

Lephata la Bogokaganyi jwa Dikamano tsa Mebuso le Botsamaisi jwa Batsayakarolo le abelana ka boeteledipele le dikeletso mo thulaganyong ya ditlhaeletsano tsa puso ya porofense le ya selegae. Mosola wa lone ke go natlafatsa thulaganyo ya ditlhaeletsano tsa puso le go tsenyatirisong ditlhaeletsano tse di tlhabololang ka go dirisa ditlhaeletsano tse di senang dikgoreletsi mo go diriseng botsalano le bodirisanimmogo jo bo tebileng jwa batsayakarolo; le go netefatsa gore setšhaba se sedimosetswa ka dipholisi le manaane a puso go tokafatsa matshelo a bone.

Ditiro tsa lephata leno ke go:
•    abelana ka boeteledipele jwa ditogamaano mo ditlhaeletsanong tsa puso
•    natlafatsa le go tsamaisa thulaganyo ka bophara ya ditlhaeletsano tsa puso gore e nonofe le go tsamaisiwa ka tshwanelo
•    aga bodirisanimmogo le batsayakarolo ba ditogamaano mo go fitlheleleng ponelopele ya GCIS.

Lephata le, le na le dikgaolo tsa bokaedibogolo tse di latelang:
•    Dikgokaganyo tsa Porofense le Selegae
•    Ditherisano le Bobegadikgang
•    Botlhokomedi jwa Ngatana: Ngatana ya Lekala la Ikonomi le Bothapi; Tlhabololo ya Mafaratlhatlha; Bosiamis, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso; Tirisanommogo ya Bosetšhaba, Kgwebisano le Tshireletso
•    Botlhokomedi jwa Ngatana: Ngatana ya Tlhabololo ya Batho; Tshireletso ya Loago le Tlhabololo ya Setšhaba; Bobusi le Tsamaiso.

A    Dikgokaganyo tsa Porofense le Selegae (P&LL) di abelana ka boeteledipele jwa ditogamaano mo go golaganyeng ditlhaeletsano tsa puso ya bosetšhaba ka manaane a ditlhaeletsano tsa diporofense. Kgaolo ya Bokaedibogolo e e tlhokometse dikantoro tsa diporofense di le robongwe go akaretsa le ya kgaolo ya bokaedibogolo e e leng kwa kantorong ya bosetšaba.

B    Ditherisano le Bobegadikgang di etelelapele le go tsamaisa dikgolaganyo le ditlhaeletsano magareng ga puso le bobegadikgang. Se se botlhokwa mo maikarabelong a bone ke go tsweletsa le go fatlhosa bobegadikgang mo go tlhaloganyeng maikaelelo a puso mo go rotloetseng tikologo e e rotloetsang baagi ba ba matlhagatlhaga e bile ba tsaya karolo, bao ba nang le tshedimosetso ka botlalo, kitso, thutego ka polotiki e bile ba itshepa mo go tsenyeng ditshwanelo tsa bone mo kabong ya ditirelo tse di matshwanedi.

C    Botlhokomedi jwa Ngatana: Lekala la Ikonomi le Bothapi; Tlhabololo ya Mafaratlhatlha; Bosiamis, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso; Tirisanommogo ya Bosetšhaba, Kgwebisano le Tshireletso bo abela lefapha ka dikeletso le tshegetso ya ditogamaano tsa ditlhaeletsano tsa ngatana. Bo kgontsha tlhagiso ya maano a ditlhaeletsano ao a tswang kwa Kabineteng. Ngatana e e abelana gape le ka serala sa tlhamo ya maano e e kopanetsweng le go tswengwa tirisong ka kopanelo ga manaane a puso ke batlhaeletsani.

D    Botlhokomedi jwa Ngatana: Tlhabololo ya Batho; Tshireletso ya Loago le Tlhabololo ya Setšhaba; Bobusi le Tsamaiso bo abela lefapha ka dikeletso le tshegetso ya ditogamaano tsa ditlhaeletsano tsa ngatana. Bo kgontsha tlhagiso ya maano a ditlhaeletsano ao a tswang kwa Kabineteng. Ngatana e e abelana gape le ka serala sa tlhamo ya maano e e kopanetsweng le go tswengwa tirisong ka kopanelo ga manaane a puso ke batlhaeletsani.

2.2.3    LEPHATA: DITIRELO TSA TSHWARAGANELO

Lephata la Ditirelo tsa Tshwaraganelo le tsamaisa ditirelo tsa tshegetso tse di abelwang botsamaisi jwa maleba.
Lephata le, le na le dikgaolo tsa bokaedibogolo tse di latelang:
•    Ditirelo tsa Matlole, tsa Thulaganyo ya Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo go akaretsa le tsa Tlaleletso
•    Botsamaisi jwa Badiredi
•    Botsamaisi jwa Tshedimosetso le Thekenoloji
•    Botsamaisi jwa Dithoto le Dikago
•    Kantoro ya Ditogamaano le Botsamaisi jwa Manaane
•    Bokatise le Tlhabololo.

A    Ditirelo tsa Matlole, tsa Thulaganyo ya Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo go akaretsa le tsa Tlaleletso bo abelana ka boeteledipele jwa ditogamaano mo tsamaisong ya matlole le ya botsamaisi jwa tlamelo ya taolo ya dithoto.

B    Botsamaisi jwa Badiredi bo abelana ka boeteledipele jwa ditogamaano mo go tsenyeng tirisong ditogamaano tsa lefapha tsa botsamaisi jwa badiredi.

C    Botsamaisi jwa Tshedimosetso le Thekenoloji bo abelana ka dikaelo tsa ditogamaano tseo di tsamaisanang le botsamaisi jwa tshedimosetso le thekenoloji mo GCIS.

D    Botsamaisi jwa Dithoto le Dikago bo samagane le go sekegela GCIS dikantoro.

E    Kantoro ya Ditogamaano le Botsamaisi jwa Manaane e abela lefapha ka ditirelo tsa botsamaisi jwa ditogamaano go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Bosetšhaba (PFMA) le ka melao e mengwe gape e e matshwanedi. E samagane gape le go abelana ka ditirelo tsa botsamaisi jwa porojeke jo bo maleba mo go oketseng tirelo ya tlamelo ya maikarabelo a GCIS.

F    Bokatise le Tlhabololo bo tlhaola ditlhokwa tsa katiso le tlhabololo ya batlhaeletsani ba puso go ya ka togamaano ya ditlhaeletsano tsa bosetšhaba, dipholisi tsa puso go akaretsa le dipeelo tsotlhe tsa ditlhaeletsano tsa puso. Bokaedibogolo jo gape bo tlhabolola bokgoni ka fa gare go akaretsa le boitekanelo jwa badiredi, tekatekano ya bong, botsamais jwa bao ba sa itekanelang sentle le manaane a bašwa.

2.2.4    LEPHATA: SETHEO SA DITIRELO TSA DITLHAELETSANO

Lephata la Setheo sa Ditirelo tsa Ditlhaeletsano le abelana ka setheo se se maleba le go nna mosola sa go ngokela le go phasalatsa seo se tlhokometseng phitlhelelo le theko ya ditirelo tse di nopotsweng tsa ditlhaeletsano tsa puso.

A    Bophasalatsi le Boreki jwa Bobegadikgang bo abelana ka ditirelo tsa boreki jo bo tiisitsweng jwa bobegadikgang le bophasalatsi jwa tlhagiso ya bobegadikgang ya puso yotlhe ya bosetšhaba, mo go netefatseng gore ditlhaeletsano tsa manaane a puso di tsamaisiwa ka tshwanelo, di a diragatsa le go se nne tlhwatlhwa e e kwa godimo.

2.2.5    BOKAEDIBOGOLO: BORUNI JWA KA FA GARE

A    Boruni jwa ka fa Gare ke tirelo ya dipeelo tsa ditherisano le netefaletso e e ikemetseng ka bonosi e e diretsweng go oketsa boleng le go  tlhabolola ditirelo tsa GCIS.
Bo diretswe go tokafatsa taolo ya ditshenyegelo, taolo le tsamaiso ya bobusi.

2.3 Sebopego sa tsamaiso sa GCIS

3. Dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso

CEO ke Motlhankedi wa Tshedimosetso go ya ka PAIA ya 2000. GCIS e na le Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso a le mongwe:

Motlhankedi wa Tshedimosetso: Ms Phumla Williams

Aterese ya poso:
Private Bag X745
PRETORIA
0001

Aterese ya mmila:
1035 Francis Baard Street
Tshedimosetso House
Hatfield
PRETORIA
0028

Imeili: phumla@gcis.gov.za

Mogala: 012 473-0236
Fekese: 012 325-3020
Selefounu: 083 501 0139

Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso: Mr Keitumetse Semakane

Mogala: 012 473–0128
Fekese: 012 326–7447
Selefounu: 079 696 1826
Imeili: keitu@gcis.gov.za

 

4. KAEDI YA KHOMIŠENE YA DITSHWANELO TSA BOTHO YA AFORIKA BORWA (SAHRC) MALEBANA LE GO DIRISA PAIA YA 2000 [KAROLO BO 14 (1) (C)]

SAHRC (e e kailweng fano e le “khomišene”), go ya ka Karolo ya bo 10 ya PAIA ya 2000, e tla rulaganya kaedi malebana le tiriso ya Molao o. Kaedi eo e tla bonwa kwa Khomišeneng. Dingongorego dingwe le dingwe tse di amanang le bukana di tshwanetse go romelwa kwa go Khomišene go:

SAHRC
Private Bag X2700
Houghton
2041

Mogala: 011 877 3600
Fekese:  011 403 0625
imeili: PAIA@sahrc.org.za
Webesaete: www.sahrc.org.za

5.Tlhaloso ya dikarolo tseo GCIS e tshotseng direkoto mo go tsona - Karolo 14 (1) (D)

5.1    Malebana le go nolofatsa kopo go ya ka Molao, dikarolo tseo GCIS e tshotseng direkoto mo go tsone le dithulaganyo tsa direkoto tse di tshotsweng mo karolong nngwe le nngwe ke tse di latelang:

A    Ditlhagiso le Dirala
a)    dipegelo
b)    dimakasine
c)    tshedimosetso e e leng teng mo webesaeteng ya GCIS, webesaete ya tshedimosetso ya Puso, webesaete ya Vuk’uzenzele le webesaete ya Ditirelo tsa puso
d)    ditokomane tsa molakaedi le tsa pholisi
e)    South Africa Yearbook le Pocket Guide to South Africa.

B    Bophasalatsi le Boabi
a)    dipegelo
b)    bukanakitsiso ya Bophasalatsi.

C    Pholisi le Bobatlisisi
a)    dipegelo le dikanegelo
b)    ditlhaloso le ditshitshinyo tsa pegelo
c)    disete tsa tlhaeletsano, dipegelo le ditlhagiso
d)    setheo sa Tlhabololo le Pharologano ya Bobegadikgang (MDDA) Molao, 2002 (Molao wa 14 wa 2002)
e)    dikaedi tsa tshedimosetso (Kaedi ya Puso ya Aforika Borwa, Kaedi ya Dikgolagano, Kaedi ya Bobegadikgang le diphorofaele)
f)    dipegelo tsa phitlhelego ya bobegadikgang jwa boditšhabatšhaba le selegae
g)    dikwalo tsa diathekele ka botlalo tsa bobegadikgang jwa boditšhabatšhaba le selega
h)    diteng tsa tlhaeletsano le melaetsa megolo.

D    Ditirelo tsa Matlole, tsa Thulaganyo ya Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo go akaretsa le tsa Tlaleletso
a)    sefalanatshedimoso sa baabelani ba ditirelo
b)    direkoto le dikanego tsa matlole
c)    dipholisi le Dithulaganyo
d)    dipegelo.

E    Botsamaisi jwa Badiredi
a)    dipholisi, dithulaganyo le dibukanakaedi
b)    lokwalo lwa dikgang tsa ka fa gare
c)    ditogamaano tsa botsamais jwa badiredi
d)    lenaane la dintlha tsa kgolagano tsa batlhankedi ba tshedimosetso mo pusong.

F    Botsamaisi jwa Tshedimosetso le Thekenoloji
a)    ditokomane tsa molakaedi le tsa pholisi
b)    Dibukanakaedi
c)    dipegelo.

G    Botsamaisi jwa Dithoto le Dikago
a)    dipegelo.

H    Kantoro ya Ditogamaano le Botsamaisi jwa Manaane
a)    ditokomane tsa diporojeke
b)    dipegelo
c)    bukanakaedi ya botsamaisi jwa diporojeke
d)    Lenaane la Tlhaeletsano ya Puso
e)    ditokomane tsa ditogamaano.

I    Bokatise le Tlhabololo
a)    dipegelo
b)    togamaano ya tlhabololo ya botsamaisi jwa badiredi.

J    Botlhokomedi jwa Ngatana
a)    ditogamaano tsa ditlhaeletsano
b)    melaetsa e e botlhokwa.

K    Dikgokaganyo tsa Porofense le Selegae
a)    dipegelo
b)    ditogamaano tsa Ditirelo tsa Tikwatikwe ya Thusong
c)    ditogamaano le didirisiwa tsa tlhabololo ya ditlhaeletsano
d)    didirisiwa tsa botsweletsi le bophasalatsi
e)    Bukana ya Batlhaeletsani ba Puso
f)    sefalanatshedimosetso sa Batlhaeletsani
g)    ditogamaano tsa tlhaeletsano.

L    Ditherisano le Bobegadikgang
a)    lokwalodikgang
b)    ditogamaano tsa tlhaeletsano
c)    ditogamaano tsa bobegadikgang
d)    sefalanatshedimosetso sa bobegadikgang.

M    Bophasalatsi le Boreki jwa Bobegadikgang
a)    Diphasalatso (tse di gatisiwang)
b)    Dipapatso tsa Kgaso le manaane
c)    Ditiro tsa Bophasalatsi le Boabi
d)    dipegelo Boreki jwa Bobegadikgang
e)    dipegelo
f)    Ditshwantsho tsa senepe le tsa bidio.

N    Boruni jwa ka fa Gare
a)    dipegelo.

5.2 Direkoto tse ka tlhamalalo di leng teng

Tshedimosetso e e leng teng mo webesaeteng ya GCIS, e leng www.gcis.gov.za e ribololwa foo ka boithaopo. Tse dingwe tsa diphasalatso le didirisiwa tsa tshedimosetso tseo di ribololwang ka boithaopo di akaretsa:
•    pegelo
•    dibukana
•    makwalodikgang
•    didirisiwa tsa Bophasalatsi
•    diphousetara
•    diphamfolete
•    dipampitshana tsa diphasalatso
•    diathikele tsa dikgang mo www.info.gov.za
•    diathikele tsa dikgang mo www.thusong.gov.za
•    diathikele tsa dikgang mo www.sanews.gov.za

6 Tsamaiso ya kopo

 a.    Go rebola kgotsa go iletsa kopo:
Mokopi o tshwanetswe ke go neelwa tetla ya go bona rekoto ya setheo sa setšhaba fa:
•    mokopi a tlhomama le ditlhokwa tsotlhe tsa tsamaiso tse di mo Molaong tseo di tsamaisanang le kopo ya go ka fitlhelela rekoto eo.
•    phitlhelelo ya rekoto eo e sa iletswa ka gotlhelele go ya ka dikgato tsa kiletso jaaka go tlhalositswe mo Molaong

b.    Rekoto e ka fitlhelelwa jang
•    Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo (Foromo ya A) eo e neng e phasaladitswe mo Kaseteng ya Puso (Tsiboso ya Puso ya R187 ka la 15 Tlhakole 2002).
•    Mokopi o tshwanetse gape go tlhagisa fa e le gore le ene o tlhoka kgatiso ya gagwe ya rekoto eo, kgotsa o batla fela go bona rekoto eo kwa dikantorong tsa GCIS. Tsela e nngwe gape ke gore, fa e le gore rekoto eo ga e mo mofuteng wa tokomane e e gatisiwang mo letlakaleng, fa go kgonagala, o tla e bona mo mofuteng o o kopilweng.
•    Fa mokopi a kopa phitlhelelo ka mofuta o sele (Sekao. Kgatisokhophi ya tsebe, Kgatisokhophi ya ileketeroniki jalojalo.), o tshwanetse go neelwa phitlhelelo ka mofuta oo. Seno se tla diriwa fa fela e le gore se ka se tlhole kgoreletsego e e sa tlhokagaleng mo tsamaisong ya setheo sa setšhaba seo se amegang, kgotsa ka senyakaka rekoto kgotsa go ka gatakaka tetla ya bophasalatsi eo e seng ya puso. Fa e le gore, ka ntlha ya mabaka a a utlwagalang, ga go kgonagale gore phitlhelelo e rebolwe ka sebopego se se kopilweng, mme e ka rebolwa ka sebopego se sengwe, go tshwanetse ga balelwa tefiso go ya ka sebopego se mokopi a se kopileng kwa tshimologong.
•    Mo godimo ga karabo e e kwadiwang ya kopo ya rekoto, fa e le gore mokopi o lakatsa go ka itsisewe ka tshweetso ka tsela nngwe le nngwe, sekao, ka mogala, seno se tshwanetse go tlhagisiwa.
•    Fa e le gore mokopi o kopa tshedimosetso mo boemong jwa motho yo mongwe, mokopi o tshwanetse go tlhagisa seemo seo a dirang kopo ka sone.
•    Fa e le gore mokopi ga a kgone go buisa kgotsa go kwala, kgotsa a sa itekanela, kopo a ka e dira ka molomo. Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla tshwanelwa ke go tlaletsa mokopi yo a ntseng jalo foromo mme a mo neele le khophi ya foromo e e tladitsweng.

c.    Madi a a duelelwang kopo le kitsiso ya ditshweetso malebana le phitlhelelo
•    Mokopi yo a tlhokang phitlhelelo ya rekoto eo e nang le tshedimosetso ka ga dintlha tsa botshelo jwa gagwe ga go tlhokege gore a duelele tuelo ya kopo. Mme bakopi ba ba kopang tsa methale e mengwe bona ba tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya R35.
•    Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go tsibosa mokopi (fa e se kopo ya gagwe) ka kitsiso, e e tlhokang mokopi go duela tuelo ya kopo e e rebotsweng (fa e le teng) le dipositi (fa e le teng) pele go ka tswelwa pele ka go fetisa kopo.
•    Mokopi a ka ikuela ka fa setheong, fa go le matshwanedi, kgotsa a dira kopo kwa kgotlatshekelo e e kgatlhanong le tuediso kgotsa tuelo ya madi.
•    Morago ga gore Motlhankedi wa Tshedimosetso a tsee tshweetso ka mabapi le kopo eo, mokopi o tshwanetse go itsisewe ka tshweetse e e tserweng mabapi le seo go ya ka tsela eo a ikopetseng go itsisewe ka yone.
•    Fa kopo e atlenegisitswe, go na gape le tuelo ya phitlhelelo eo e tshwanetsweng ke go duelwa eo e tla dirisiwang mo go tlhagiseng le mo go batleng le mo go baakanyeng, mo nakong nngwe le nngwe e e tlhokegang e e fetang diura tse di beilweng tsa go batla le go baakanya rekoto e e tshwanetseng go rebolwa.
•    Phitlhelelo ya rekoto e tla sekegiwa go fitlha dituelo tsotlhe tse di tlhagisitsweng di duelelwa.

 


7. Ditharabololo tse di leng teng go ya ka melao kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato

Ditsela tse di latelang di ka dirisiwa ke batho mo go begeng kgotsa mo go rarabololeng ditatofatso tsa go tlhoka tolamo, tse di sa amogelesegeng kgotsa maitsholo a a seng mo molaong a puso kgotsa go tlhokomologwa ke GCIS kgotsa ke yo mongwe wa badiredi ba yone:

a.    Ditsamaiso tsa go bega kgotsa go rarabolola
•    Ditharabololo go ya ka melao kgotsa go retelelwa go tsaya dikgato go ya ka PAIA, 2000: Bothati jwa boikuelo jwa ka fa gare go ya ka Mola o ke Tona. Morago ga go dirisa ditharabololo tsa boikuelo jwa ka fa gare, kopo e ka isiwa kwa kgotlatshekelo (Karolo ya bo 78 – 82).
•    Modiredipuso a ka tsenya ngongora gore e batlisisiwe ke Kantoro ya khomišene ya Tirelo ya Puso tebang le kgato ya semmuso kgotsa tlhokomologo ya yone (Karolo ya bo 35 ya Molao wa Tirelo ya Puso [Molao wa bo 103 wa 1994]).
•    Motho a ka dirisa ditharabololo tsa ditiro tebang le kgato ya semmuso kgotsa tlhokomologo ya sebopego sa ditiro, e leng dikgotlhang tsa ditshwanelo (Molao wa Tirelo ya Puso wa 1994 le Molao wa Kamano ya Ditiro wa 1995 [Molao wa bo 23 wa 1994]).
•    Motho a ka tsenya ngongora kwa motlhatlhobing wa ditiro tebang le ditatofatso tsa dikgatakako tsa Molao wa Maemo a Motheo a Bothapi wa 1997 (Molao wa bo 75 wa 1997) Karolo ya bo 78(1)(a), kgotsa Molao wa Bothapi ka Tekatekanowa 1998 (Molao wa bo 55 wa 1998) Karolo ya bo 38(e)
•    Motho a ka tsenya ngongora kwa Kantorong ya Mosireletsi wa Setšhaba tebang le kgato ya semmuso e go belaelwang e se mo molaong kgotsa e sa amogelesega kgotsa e tlhokomologo (Molaotheo le Molao wa Mosireletsi wa Setšhaba wa 1994 [Molao wa bo 23 wa 1994]).
•    Motho a ka tsenya ngongora kwa SAHRC tebang le kgato ya semmuso kgotsa tlhokomologo eo go belaelwang e le tlhodi ya dikgatakako kgotsa matshosetsi a tshwanelo e e rileng e e botlhokwa (Molao wa Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho wa 1994 (Molao wa bo 54 wa 1994).
•    Mo go sireletseng kgatlhanong le kgatelelo ka ntlha ya go ribolola maitsholo a seng mo molaong kgotsa a a sa dumeletsegang a mothapi kgotsa a modirimmogo ka ene, motho yo a amegang mo go seno a ka latela tsamaiso ya tshenolo mo Molaong wa Tshireletso ya Tshenolo wa 2000 (Molao wa bo 26 wa 2000).
•    Motho a ka dirisa ditharabololo tse dingwe tsa semolao tse di jaaka setheo sa tolamo ya go sekaseka bosiamisi jwa kgato ya tsamaiso go ya ka Molao wa Tlhatloso ya Bosiamisi jwa Tsamaiso wa 200 (Molao wa bo 3 wa 2000).
b.    Ditharabololo tse dingwe tsa tshegetso
•    Motho a ka ikopela go itse mabaka tebang le ditiro tsa tsamaiso go ya ka Molao wa Tlhatloso ya Bosiamisi jwa Tsamaiso wa 2000 (Karolo ya bo 5).
•    Motho a ka ikopela go bona direkoto tsa lefapha la puso kgotsa tsa setheo se se rileng sa setšhaba go ya ka PAIA ya 2000 (Karolo ya bo 11).
c.    Maikarabelo a go bogela
•    Modiredipuso, fa a tsweletse go dira tiro ya gagwe ya semmuso, go ya ka Molao wa Maitsholo o tshwanetse go begela bothati jo bo maleba ka ga, boferefere, bobodu, bothapi ka losika le botsalano, tsamaiso e e sokameng le ka ga dikgato dingwe le dingwe tseo di tlholang tlolomolao kgotsa tseo di kgobelelang kungwelo ya setšhaba. Modiredi yo a retelelwang ke go obamela seno o tla pegwa molato wa maitsholo a a sa letlelesegang. (Molawana B.3 le C.4.10 wa Kgaolo ya bo 2 ya Melawana ya Tirelo ya Setšhaba ya 2001).
•    Maikarabelo a mothapi le modiredi mongwe le mongwe a go senola ditiro tsa bosenyi le tse dingwe le tse dingwe tse di seng mo molaong kwa tirong le one a totobatsa Molao wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng wa 2000 (Pulamadibogo).

 

 

DITUELO TSE DI REBOTSWENG TSA DITHEO TSA SETŠHABA

 

KAROLO YA BO II YA KITSISO YA BO 187 MO KASETENG YA PUSO KA LA BO 15 TLHAKOLE 2002

 

1.

Dituelo tsa go gatisa khophi ya bukanakaedi jaaka go tlhalositswe mo Molawaneng wa bo 5(c) ke R0,60 Kgatisokhophi ya bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo e e rileng ya yone.

 

2.

Dituelo tsa go gatisa di tlhalosiwa mo Molawaneng wa bo 7(1) ka tsela e e latelang:

   a) kgatiso nngwe le nngwe ya khophi ya bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo e e rileng ya yone

   b) kgatiso nngwe le nngwe ya khophi ya bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo e e rileng ya yone e katswa e boloketswe mo khomphiutheng kgotsa mo mofuteng yo o rileng yo o buisegang wa ileketeroniki kgotsa wa motšhini

   c) Kgatisokhophi e e leng mo mofuteng yo o buisegang mo khomphiutheng wa:

                   (i) Compact Disc (CD)

   d)            (i) kgatisokwalo ya ditshwantshopono, tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yone

                   (ii) Kgatisokhophiya ditshwantshopono

   e)            (i) kgatisokwalo ya modumokutlo

                   (ii)Kgatisokhophiya modumokutlo

 

 

R0,60

 

R0,40

 

 

 

R40,00

R22,00

 

R60,00

R12,00

R17,00

3.

Dituelo tsa go dira kopo tse di duelelwang ke mokopi mongwe le mongwe, fa e se kopo ya gagwe, tseo di tlhalositsweng mo Molawaneng wa bo 7(2) ke

 

R35,00

4.

Dituelo tsa phitlhelelo tse di duelelwang ke mokopi tseo di tlhalositsweng mo Molawaneng wa bo 7(3) ke tse di latelang:

1)               a. kgatiso nngwe le nngwe ya khophi ya bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo e e rileng ya yone

                b. kgatiso nngwe le nngwe ya khophi e e gatisitsweng ya bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo e e rileng ya yone e katswa e boloketswe mo                 khomphiutheng kgotsa mo mofuteng yo o rileng yo o buisegang wa ileketeroniki kgotsa wa motšhini

                c. Kgatisokhophi e e leng mo mofuteng yo o buisegang mo khomphiutheng

                                (i) CD

                d.            (i) kgatisokwalo ya ditshwantshopono, tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yone

                                (ii) Kgatisokhophiya ditshwantshopono

                e. (i) kgatisokwalo ya modumokutlo, bogolo jwa tsebe ya A4 kgotsa karolo  e e rileng ya yone

                                (ii) Kgatisokhophiya modumokutlo

                f. Go batla le go baakanyetsa go ribolola rekoto ke R15,00 ka ura nngwe le nngwe kgotsa ka karolo ya ura, go sa akarediwe ura ya ntlha eo e                 tlhokagalang mo go e batleng le mo go e baakanyeng

2)            Ka ntlha ya maitlhomomagolo a Karolo 22(2) ya Molao o, go tshwanetswe go latelwe tse di latelang:

                a.            diura dile thataro ke tse di beilweng pele dipositi e duelelwa

                b.            bongwe jwa di le tharo jwa dituelo tsa phitlhelelo bo duelelwa ke mokopi pele go ka duelelwa dipositi

3)            Dituelo tsa poso di duelelwa fa Kgatisokhophi ya rekoto e tshwanetswe go posetswa mokopi.

 

 

R0,60

 

R0,40

 

 

 

 

 

R40,00

R22,00

 

R60,00

R12,00

 

R17,00

8. Diforomo tse di kailweng malebana le phitlhelelo ya rekoto ya setheo sa setshaba

MAMETLELELO YA B YA KITSISO YA BO 187 MO KASETENG YA PUSO YA LA BO 15 TLHAKOLE 2002

FOROMO YA A
KOPO YA GO BONA PHITLHELELO YA REKOTO YA SETHEO SA SETHABA
Karolo ya bo 18(1) ya PAIA, 2000
 [Molawana wa bo 2]

E TLATSIWA KE GCIS

Nomorotshupetso:

Kopo e amogetswe ke:                                                                                                                                                

Kopo e amogetswe ka la bo:                                                                                                                      

Nomorotshupetso (fa e le teng):                                                                                                            

Tuelo ya kopo (fa e le teng): R                                                                                                                  

Dipositi (fa e le teng): R                                                                                                                                               

Tuelo ya phitlhelelo (fa e le teng): R                                                                                                       

Tshweetso:                                                                                                                                                       

                                                                                                                                                                               

                                                                                                                                                                               

                                                                                                                                                                               

TSHAENO YA MOTLHANKEDI WA TSHEDIMOSETSO/MOTLATSA MOTLHANKEDI WA TSHEDIMOSETSO

A. Dintlha tsa setheo sa setšhaba
Motlhankedi wa Tshedimosetso/Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso:

B. Dintlha tsa motho yo a kopang tetla ya go bona rekoto

(a) Dintlha tsa motho yo a kopang tetla ya go bona rekotodi tshwanetse go tlatsiwa fa tlase.

(b) Tsenya aterese, imeile le/nomoro ya fekese ya mo Aforika Borwa moo tshedimosetso e tshwanetsweng go remelwa teng

(c) Bosupi jo bo supang maemo a kopo e diriwang ka one, fa bo le teng, bo tshwanetswe go akarediwa.

 

Maina ka botlalo le sefane:                                     
                                                
Nomoro ya boitshupo:                                     
Aterese ya poso:                                         
                                                
Nomoro ya fekese:                                         
Nomoro ya mogala:                                        
Aterese ya imeile:                                         
Maemo a kopo e diriwang ka one, fa e diriwa mo logatong la motho yo mongwe:                                                         

C. Dintlha tsa motho yo kopo e diriwang mo logatong lwa gagwe

 

Karolo e e tshwanetswe ke go tlatsiwa fa e le gore tshedimosetso e diriwa mo logatong lwa motho yo mongwe.

Maina ka botlalo le sefane:                                    
Nomoro ya lokwaloitshupo:  

                               
D. Dintlha tsa rekoto

(a) Neelana ka dintlha ka botlalo tsa rekoto eo o kopang go e bona, o akaretse le nomorotshupetso fa o e itse, go letla gore rekoto eo e fitlhelelwe.

(b) Fa phatlha e o e neetsweng go kwalela mo go yone e sa lekane, tswee tswee, kwalela mo tsebeng e nngwe ya tlaleletso mme fa o feditse o e maparetse mo foromong eno. Mokopi o tshwanetse go saena ditsebe tsotlhe tsa tlaleletso.

1. Tlhaloso ya rekoto kgotsa karolo e e rileng ya yone:                    
    
2. Nomorotshupetso, fa e le teng:                            
3. Dintlha tse dingwe gape tsa rekoto:                            
                                           
                                           
E. Dituelo

                                     

(a) Kopo ya go bona phitlhelelo ya rekoto, ntle le rekoto e e nang le tshedimosetso ka ga dintlha tsa botshelo jwa gago, e tla tsweletswa pele fa morago ga gore tuelo ya kopo e duelelwe.

(b) O tla itsisewe ka tlhwatlhwa e e tlhokagalang eo e tla duelelwang e le tuelo ya kopo.

(c) Tuelo e e duelelwang mo go boneng phitlhelelo ya rekoto e ikaegile ka mofuta yo phitlhelelo e kopiwang ka one le nako e e beetsweng go batla le go baakanyetsa rekoto eo.

(d) Fa e le gore o tshwanetswe ke go se duediswe tuelo epe, tsweetswee setlegela ka lebaka.

Lebaka la go amege mo go dueleleng dituelo:                       

                                           
F. Foromo ya phitlhelelo ya rekoto
Fa e le gore go bogole jo bo go thibelang go buisa, go bogela kgotsa go utlwelela rekoto ka mofuta yo phitlhelelo e neetsweng ka one go ya ka 1 go fitlha mo 4 jaaka go tlhalositswe fa tlase, tlhalosa bogole jwa gago le go tlhagisa gore ke mofuta ofe yo rekoto e tlhokagalang ka one.

 

Bogole:                                                                

                                                                               

                                                                               

Mofuta yo rekoto e tlhokagalang ka one:                                                                                

                                                                               

Tshwaya lebokoso le le maleba ka go dirisa X

DINTLHA:

(a) Tlhagiso ya gago ya phitlhelelo ya mofuta yo o tlhokegang e tla ikaege ka mofuta yo rekoto e leng mo go one.

(b) Phitlhelelo ya mofuta yo o o kopileng e ka ilediwa ka mabaka a a rileng. Fa go le jalo, o tla sedimosetswa fa e le gore phitlhelelo e tla atlanegisiwa ka mofuta yo o rileng.

(c) Tuelo e e duelelwang go bona phitlhelelo ya rekoto, fa e le teng, e tla sweediwa go ya ka mofuta yo phitlhelelo e kopilweng ka one.

 

1. Fa rekoto e le mo mofutakwalong kgotsa mo mofutakgatisong

 

Kgatisokhophi ya rekoto*

 

Tshekatsheko ya rekoto

 

2. Fa rekoto e na le ditshwantshopono

(Tseno di akaretsa ditshwantsho, diselaete, dikgatiso tsa bidio, ditshwantsho tse di tlhagisiwang ka khophiutha, diketšhe jalojalo.)

 

Bogela ditshwantsho

 

Kgatisokhophi ya ditshwantsho*

 

kgatisokwalo ya ditshwantsho*

 

3. Fa rekoto e na le mantswe kgotsa tshedimosetso e e gatisitsweng, eo e ka tlhagisiwang ka modumokutlo

 

Reetsa modumokutlo (CD)

 

kgatisokwalo ya modumokutlo*

(tokomane e e kwadilweng kgotsa e e gatisitsweng)

 


 

 

4. Fa rekoto e boloketswe mo khomphiutheng kgotsa mo mofuteng yo mongwe wa ileketeroniki kgotsa wa motšhini

 

Kgatisokhophi ya rekoto*

 

Kgatisokhophi ya tshedimosetso e e tswang mo rekotong*

 

Kgatisokhophi e e mo mofuteng wa khomphiutha*

(CD)

 

*Fa e le gore o kopile rekoto ya Kgatisokhophi kgotsa ya kgatisokwalo (kwa godimo), a o batla gore Kgatisokhophi kgotsa kgatisokwalo e posetswe kwa go wena?

O tshwanetse go duelela dituelo tsa poso.

EE!

NNYAA!

 

Tlhokomela gore fa rekoto eo e se teng ka puo e o e batlang ka yone, tetla ya phitlhelelo e ka neelwa ka puo eo rekoto e leng mo go yone.

O ka itumelela rekoto eo ka puo efe?

G. Kitsiso ya tshweetso tebang le kopo ya phitlhelelo

O tla itsisewe ka go kwalelwa fa e le gore kopo ya gago e atlenegisitswe kgotsa e ileditswe. Fa e le gore o ka rata go itsisewe ka mokgwa yo mongwe, tsweetswee tlhalosa mokgwa yoo le go setlegela ka ditlhokwa tse di maleba go thusa gore kopo ya gago e obamelwe.

O ka rata go itsisewe jang ka ga tshweetso tebang le kopo ya gago ya go bona rekoto?                                                        
E Saenilwe ka (letlha)                    

                   
TSHAENO YA MOKOPI/MOTHO YOO GO DIRIWANG KOPO MO BOEMONG JWA GAGWE
Bukanakaedi e, e saenetswe le go atlenegisiwa ke Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso wa GCIS, Rre Keitumetse Semakane.

___________________________________
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso: GCIS
Rre Keitumetse S. Semakane
LETLHA:

top