Re keteka mosola wa barutabana ba rona

.Ba bantsi ba rona go na le dilo di le dintsi tse ba ka di buang ka morutabana kgotsa barutabana ba ba kileng ba nna le seabe se se botlhokwa mo matshelong a bona. Barutabana bano ga se fela gore ba ne ba re ruta seo ba neng ba re ruta sona mme gape le gore go maitsholo a a rileng a a siameng a ba neng ba re ruta ona le go re ruta botlhale mmogo le go re thoba maikutlo. Barutabana fa e sale e ntse e le bona ba ba di gogang kwa pele fa go tla mo go rotloetseng barutwana morago ga ba bangwe gore e nne batho mo setšhabeng e bile ke bona ba ba dirileng gore re nne le setšhaba se se sedimogileng.

Go tshwara ka natla ga barutabana go tshwanetswe go ketekiwe ngwaga otlhe, e seng fela ka kgwedi ya Diphalane fa go ketekiwa Kgwedi ya Naga ya go Keteka Mosola wa Barutabana. Ga jaana barutwana ba le diketekete ba samagane le ditlhatlhobo tsa Lekwalo la Naga la Dithuto tse Dikgolwane (NSC) tsa ngwaga wa 2023, mme mo ditlhatlhobong tseno ba tlhokometswe ke barutabana ba ba sa bolong go ba tlhatlhelela gore ba kgone go fitlhelela kgato eno ya bofelo ya go garela dithuto tsa sekolo, mme bona barutabana bano ke bona ba ba tswelelang go nna le seabe se se botlhokwa mo maitekong a puso a go kgapela kwa morago thuto ya puso ya tlhaolele e re ntseng re lwantshana le go e tumula ka moodi fa e sale ka ngwaga wa 1994. 

Go mo pepeneneng gore puso ya tlhaolele e ne e ganetsa barutabana ba batho ba bantsho mmogo le baithuti gore ba nne le thuto ya maemo a a kwa godimo mme e dirile seno ka go se ba tlamele ka didirisiwa tse di ba lekaneng. Hendrik Verwoerd yo e leng ene yo puso ya tlhaolele e simolotseng ka puso ya gagwe o ne a batla go bona batho ba bantsho "ba rwalla dikgong le metsi botshelo jwa bona jotlhe" mme a sa batle go itse gore ba na le bokgoni go le kanakang kgotsa ba fisegela go dira eng ka matshelo a bona. Dipholisi tsa puso ya tlhaolele ga di a ama fela barutwana, di amile gape le maemo a go tlhatlhelelwa ga barutabana. 

Re le puso re rotloediwa ke kgatelopele e re e bonang ya fa e sale ka 1994 mo go rarabololeng dikgwetlho tsa go se lekalekane mo lephateng la thuto tseo re fitlhetseng di le teng fa puso eno e ne e tsena mo pusong. Re setse re kgonne go dira gore ditheo tsa thuto tse di neng di kgaogane ka ntlha ya bosemorafe jaanong di nwe mo nkgong e le esi mmogo le go dira bonnete jwa gore barutwana le barutabana ba tlamelwe ka ditlamelwana tse di tla ba thusang gore ba atlege mo isagong. 

Re rotloediwa ke gore barutwana ba feta ba le 800 000, bao bontsi bo yang sekolong letsatsi le lengwe le le lengwe mo ngwageng wa 2023 ba ikwadiseditse ditlhatlhobo tsa NSC. Go tlhatloga ga dipalo tsa barutwana bano ga se selo se se itiragaletseng mme ke ka ntlha ya maano a a tsereng dingwaga a ntse a logiwa mmogo le go dira ka natla ga barutabana ba ba batlang gore barutwana ba bona ba dira sentle mo dithutong tsa bona. 

Puso e akgola barutabana ba ba tswelelang go ikentsha setlhabelo ba leka go dira gore boleng jwa thuto ka fa nageng bo tlhatloge. Re eletsa gape le barutwana ba ba dirang materiki mo ngwageng wa 2023 gore dibeke di le mmalwa tse di tlang mmogo le bokamoso jwa bona di tsamaye ka thelelo.

Barutabana ba botlhokwa thata mme re le puso re tla tswelela go ba tsaya tsia jaaka ba dira tiro e e tswileng diatla. Go naya motlhala, ka Diphalane monongwaga re ne re tshwere meletlo ya Dikabo tsa Barutabana tsa Naga kwa Thaba Tshwane, Pretoria mo barutabana ba neng ba neelwa dikabo go ya ka tiro e e tswileng diatla e ba e dirang mo dirutweng tse di farologaneng mme go ne go na le barutabana ba merafe e e farologaneng go ralala le naga. 

Mo go bona, le fa e se bona botlhe, go ne go na le ba ba Dirileng Botle mo Dithutong tsa go Ruta Barutwana ba Mophato wa R, ba ba Dirileng Botle mo Dithutong tsa go Ruta Barutwana ba Sekolopotlana, ba ba Dirileng Botle mo Dithutong tsa go Ruta Barutwana ba Sekolo se Segolwane, ba ba Dirileng Botle mo go nneng Mogokgo wa Barutwana ba Sekolo se Segolwane mmogo le Dikabo tsa go Bontsha Tlotlo ya go ya go ile mo Tirong e e Tswileng Diatla.

Fa a ne a eme moletlo ono ka lefoko, Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o ne a nopola seabe se se botlhokwa se barutabana ba nang le sona mo go tlhatlheleleng setšhaba. O ne a tlaleletsa ka gore, “Barutabana ba na le seabe se se botlhokwa mo go ageng motheo o setšhaba se sengwe le se sengwe se ikakatletseng ka ona”. “Tiro e morutabana a samaganang nayo e makgaokgao a mantsi – fa o le morutabana ga o tlhatlhelele barutwana fela ka thuto, o betla gape le semelo sa bona, o ba ruta maitseo, le go ba aga gore e nne baeteledipele ba naga eno mo isagong”. 

Dikabo tseno di tshwerwe morago ga gore go gololwe pegelo ya tshekatsheko ya dingwaga di le lesome tsa go tsenya tirisong Leano la Tlhabololo ya Naga (NDP). NDP ke leano la rona rotlhe la go aga Aforika Borwa yo a atlegileng go ya ka fao a bonetsweng kwa pele ka teng mo Molaotheong. 

Pegelo eno e bontsha ka fao naga ya Aforika Borwa e nnileng le kgatelopele ka gone mo go direng gore thuto e fitlhelelwe ke batho ba bantsi mmogo le mo go kgapeleng kwa morago setlhogo se se dirilweng ke puso ya tlhaolele. Re okeditse dikgato tsa go ema nokeng Dikolo tsa Bomapimpana, ra tsenya didirisiwa tsa dikhomphiutha go thusa go baakanyetsa barutwana Lefatshe le go Phelwang ka Thekenoloji mmogo le go fepa barutwana letsatsi le lengwe le le lengwe kwa dikolong mo go fepiwang barutwana ba feta dimilione di le robongwe mo Letsholong la go Fepa Barutwana kwa DIkolong. Seno se dirile gore barutwana ba ba batlileng ba fitlha diperesente di le 100 ba tsene sekolo go fitlha ba ka nna le dingwaga di le 15.

E bile gape mo ngwageng wa 2021 re ne ra feta palo ya barutwana ba le 190 000 ba ba falolang ka dipholo tse di ba letlang go ka ithutela lekwalo la thuto e kgolwane la Bachelor e leng palo e e neng e beilwe gore re tshwanetse go e fitlhelela mo ngwageng wa 2024. Mo ngwageng wa 2021 barutwana ba le 256 031 (ba ba dirang diperesente di le 36,4 tsa palo ya barutwana botlhe ba materiki) ba falotse ka dipholo tse di ba letlang go ka ithutela lekwalo la thuto e kgolwane la Bachelor. Maemo ano re kgonne go a fitlhelela ka ntlha ya barutabana ba ba dirang ka natla ba ba ikentshang setlhabelo ka go dirisa le nako ya bona mme ba sa ngunangune.

Le fa boleng jwa thuto bo fetogile fa re bo bapisa le jwa dinaga tse dingwe tse bontsi jwa baagi ba tsona ba iponelang megolo e e sa reng sepe, pegelo eno e bontsha gore re tshwanetse go oketsa maiteko a rona gore re kgone go gaisana le dinaga tseo di di gogang kwa pele. 

Re le puso re beile kwa setlhoeng tse dingwe tsa dikgwetlho tse di nopotsweng gore re kgone go diragatsa seo re se solofeditseng e leng go tokafatsa matshelo a batho ba naga ya rona ka go dirisa thuto. Re gata re gatoga mo mafaratlhatlheng a dikolo le mo go direng bonnete jwa gore mafelo a boithusetso ke a a siametseng dikolo go ralala le naga ka bophara. 

Fa e sale ka ngwaga wa 2018, dikolo di le 2 871 di tsenyeditswe mafelo a boithusetso go ya ka letsholo la Dintlwanaboithusetso tse di Siametseng Dikolo, le le itsegeng ka gore ke letsholo la SAFE, mme gape go na le dintlwanaboithusetso tse dingwe gape di le 15 000 tse di santseng di agiwa mo dikolong di le 1 047 tse di agiwang ka Letsholo la Kabo ya Ditirelo tsa Mafaratlhatlha a Dikolo a a Akofisitsweng (ASIDI). Go dikolo di ka nna di le 511 tse Lefapha la Thuto ya Motheo (DBE) le santseng le di logela maano a a leng mo maemong a a farologaneng a go tsenngwa tirisong tseo lefapha leno le batlang gore di bo di tsenyeditswe mafelo a boithusetso fa ngwaga wa matlole wa 2023/24 o ya bokhutlong. 

Re ikuela mo barutwaneng go tlhokomela mafaratlhatlha ano mo dikolong tsa bona le go se a senye, go se a tlhatlhamolole kgotsa gona go tshuma dikolo tsa bona. Tshenyo ya mafaratlhatlha a mo dikolong ke selo se se sotlang bana ba rona le go kgaoletsa matsapa a naga ya rona a go tlamela barutwana ka thuto e e boleng. 

Rotlhe re na le maikarabelo a go bontsha tlotlo barutabana ba ba dirang bonnete jwa gore morutwana mongwe le mongwe o a rutega go sa kgathalesege gore o tswa mo lapeng le le ntseng jang kgotsa mo maemong a a tseng jang.