Go lwantshana le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tsa go itshiela

.E kwadilwe ke Ngaka N Nala



MaAforika Borwa ka bontsi ba rata meletlo, e ka tswa e le ya go keteka go fenya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Rakabi, kgotsa ya go keteka go falola ditlhatlhobo. Go le gantsi mo meketeng eno go tla bo go biniwa, go opelwa e bile go na le bojalwa. 

Le fa bojalwa e le selo se se dirisiwang fa go ketekiwa e bile e le selo se se tlholang ditiro, bona bo a tle bo dirisiwe boatla mo bo ka phuaganyang matshelo a batho.



Ngwaga le ngwaga batho ba feta dimilione di le tharo ba thula botala ka tlhogo ka ntlha ya bojalwa, mme seno se raya gore mo bathong botlhe mo lefatsheng go tlhokafala ba ba ka dirang diphesente di le tlhano. Seno ke selo se se tshwanetseng go re tshwenya gonne ka fa nageng ya Aforika Borwa go welwa ka fa kgong mme ka ntlha ya seno re itemogela le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang.



Fa a tlhalosa ntlha eno, Tona ya Tlhabololo ya Loago, Lindiwe Zulu, o rile “bojalwa ke jo bongwe jwa dinotagi tse di sa dirisiweng sentle mme bo tlisa mathata mo matshelong a batho ba le bantsi ka fa nageng ya rona”.



Go nwa bojalwa pheteletsa ga go tlhole fela malwetse mo mothong yo a itshielang ka go koafatsa dikarolo tse di botlhokwa tsa mmele wa gagwe le go dira gore malwetse a a kotsi a tshamekele mo go ene, go baya gape mo kotsing le matshelo a batho ba bangwe. 

Mo go sekasekeng ntlha eno ka go batlana le ditharabololo tsa go fokotsa matsapa a a tlhodiwang ke notagi mmogo le go batlana le ditsela tse di maleba tsa go laola notagi, mo malobanyaneng naga ya Aforika Borwa e ne ya tshwara Khonferense ya Dipholisi tsa Lefatshe tsa go Laola Notagi (GAPC).



E ne e le lekgetlo la ntlha khonferense eno e tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika, mme go ne go tlile bakwadi ba dipholisi, barutegi, baemedi ba mekgatlho ya baagi le ba mekgatlho e e sa direng letseno (di-NGO) go tswa mo lefatsheng ka bophara.

Mo khonferenseng eno go tswile dikakanyo tse di utlwagalang tse di ka dirisiwang mo go kwaleng pholisi ya lefatshe e e tla laolang notagi gore e sireletse bana le batho ba ba ka welwang ke dingalo. Go atlhaatlhilwe gape le ntlha ya ka fao go laola dipapatso tsa notagi go ka thusang go dira gore bojalwa bo se dirisiwe botlhaswa. 



Mo khonferenseng eno Tona Zulu o ikantse gore o tla lwela gore Molao wa Notagi o Kwalolwe Sešwa mme maitlhomo e le go gagamatsa melawanataolo ya go gweba ka notagi, go e bapatsa le go e rekisa. Molaotlhomo ono o tla ka ditharabololo tse di utlwagalang tse di tsenyeletsang go tlhatlosa dingwaga tsa bao ba letleletsweng go ka reka notagi gore e nne ba ba nang le dingwaga di le 21 go ya kwa godimo mmogo le go dira gore mafelo a go rekisediwang notagi a se nne gaufi le dikolo le dikereke. Molaotlhomo ono o rwesa gape barekisi le batitiedi ba notagi maikarabelo ka go otlhaiwa fa ba ka fitlhelwa ba tshetsa molao.



Ditshitshinyo tseno di botlhokwa mo go fediseng setlwaedi sa go wela ka fa nkgong, segolobogolo mo go fokotseng gore bana ba bannye ba se tlhole ba nwa bojalwa jaaka dipatlisiso di ribolola gore mo bašweng ba le bararo, a le mongwe wa bona o tsene ka tlhogo mo diritibatsing le mo go itshieleng go feta tekano ka fa nageng. 



Bothata jono jwa go itshiela ga bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga molao mmogo le go se latele melao ya go rekisa bojalwa bo iponagaditse thata mo bana bale 21 ba latlhegetsweng ke matshelo kwa lefelong la thitelo la kwa Enyobeni.



Mo go gagamatseng maiteko a rona a go samagana le dikgwetlho tse di bakiwang ke bojalwa le diritibatsi ka fa nageng, Lefapha la Tlhabololo ya Loago le kwadile sekwalwa se iseng se butswe sa pholisi ya go tsamaisa tiro ya go Thibela le go Alafa Malwetse a go Dirisa Diritibatsi Botlhaswa, mme sona mo nakong e e sa fediseng pelo se tla gatisiwa mo lekwalong la kgatiso ya melao ya puso gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka sona. Kabinete e ne gape ya tshwaela gore go nne le Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e tla samaganang le tiro ya go loga maano a gonthibela, go fokotsa le go alafa malwetse a tirisobotlhaswa ya diritibatsi.

Fa puso e semeletse go lwantshana le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang tseo di tlhodiwang ke notagi ka go gagamatsa melao le go tla ka maano a mantšhwa, re ikuela mo go maAforika Borwa gore ona a nne le maikarabelo ka go latela melao e e leng teng ga jaana.



Molao wa Thekiso ya Notagi ga o letle gore bojalwa bo rekisediwe motho yo a leng ka fa tlase ga dingwaga di le 18, mme seno se raya gore batsadi, baagi le mafelo a thitelo ba tshwanetse go dira bonnete jwa gore go se nne le fa e le ngwana a le esi yo a rekisediwang bojalwa.

 

Mafelo a a rekisang notagi a tshwanetse go tsaya dikgato ka go lekola makwaloitshupo go dira bonnete jwa gore batho ba ba rekang bojalwa dingwaga tsa bona di a ba letla. Dikgato tseno di botlhokwa, segolo jang jaaka re atumela meletlo e e tleng e diriwe ya go keteka go fetsa ditlhatlhobo, mekete ya lefelo la thitelo la Rage mmogo le e mengwe e mentsi e e tla tshwarwang jaaka re lebile kwa bokhutlhong jwa ditlhatlhobo mmogo le meletlo ya dikeresemose. 



Go ikuelwa mo go maAforika Borwa go nna le maikarabelo mo matsatsing ano a dikeresemose fa e le gore ba tla bo ba tsuntsunyetsa bojalwa, mmogo le go gana nang wa banyana fa ba susumediwa diritibatsi. Go itshiela go feta tekano gantsi go dira gore ditiragalo tsa go nna mo dikotsing tsa dijanaga, go melela batho ba bangwe meno, go lwa, mmogo le go dirisa dikgoka magareng ga batho ba ba leng mo kgolaganong ya lorato di oketsege 



Tirisobotlhaswa ya notagi ke e nngwe ya dilo tse di dirang gore ka fa nageng ya Aforika Borwa go nne le ditiragalo tsa botlhokotsebe, segolobogolo tse di tsamaisanang le ditiragalo tsa go bogisa le go bolaya batho ba sesadi (GBVF). E tshwanetse go nna maikarabelo a rona go begela sepodisi ka ditiragalo tsa GBVF, tse di amanang le notagi mmogo le tse dingwe fela tsa botlhokotsebe.



Go fokotsa ditlamorago tse di sa itumediseng tse di titielwang ke notago go tlhoka gore rotlhe re ipope ngatananngwe. Fa yo mongwe le yo mongwe wa rona a dira seo a tshwanetseng go se dira ka go itshiela sentle le go obamela mealo, re ka kgona go keteka ntle le go ipiletsa malwetse, mme ra dira jalo re babalesegile e bile go se bophelo jwa ope jo re bo bayang mo kotsing.