Print |  Email | Text size   

Access to Information Manual (Setswana)


April 2011

Access PDF version [PDF] 95 kb

Bukana go ya ka karolo 14 ya Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso (PAIA) ya 2000 (Molao 2 wa 2000)

  1. Pulamadibogo
  2. Ponelopele ya GCIS, maikaelelo le maitlhomo
    2.1
    Ditiro tsa dikarolo tsa GCIS
    2.2 Sebopego sa botsamaisi jwa GCIS
  3. Dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso
  4. Kgakololo go Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa malebana le go dirisa Molao
  5. Direkoto
    5.1 Tlhaloso ya dikarolo tseo GCIS e tshotseng direkoto mo go tsona
    5.2 Direkoto tseo ka tlhamalalo di leng teng go tswa go GCIS
    5.3 Mokgwa wa go kopa
  6. Diphekolo tse di leng teng malebana le dikgato kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato
  7. Madi a a kailweng
  8. Diforomo tse di kailweng malebana le phitlhelelo ya rekoto ya setheo sa setšhaba

1. Pulamadibogo

Bukana e, e dirilwe jaaka kaedi tebang le ka fao maloko a setšhaba a ka fitlhelelang tshedimosetso e e tshotseng ke GCIS. E tlhalosa gore ke tshedimosetso efe e e leng mo lefapheng le go go bolelela gore o ka e fitlhelela jang.

Molao wa Tlhatloso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso wa 2000 o kaya gore setheo sengwe le sengwe se tshwanetse go tlhopha Motlhankedi  wa Tshedimosetso le Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso kgotsa Batlatsa Motlhankedi `wa Tshedimosetso ba ba yang go rwala maikarabelo a go rulaganya dikopo mabapi le phitlhelelo ya tshedimosetso, le go thusa bakopi go dira dikopo tsa bona.

Bukana e tsenya tirisong tshwanelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso, e e tlhagelelang mo Molaotheong wa Repaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 (Molao 108 wa 1996).

2. Ponelopele ya GCIS, maikaelelo le maitlhomo

Ponelopele: “Ditlhaeletsano tsa puso tse di matlafatsang le go rotloetsa baagi go tsaya karolo mo temokerasing le go tokafatsa matshelo a botlhe”

Maikaelelo: Go etelela pele ditlhaeletsano tsa togamaano tsa puso, go netefatsa momagano ya molaetsa le go bula le go anamisa metswedi ya ditlhaeletsano magareng ga puso le batho, go fitlhelela ponelopele e e abelanwang.

Maikaelelomagole le ditogamaano

2.1 Ditiro tsa Dikarolo tsa GCIS

GCIS e rulagantswe go diragatsa taolelo ya yona jaaka go tlhagisitswe fa godimo. E na le dikarolo di le 12 kgotsa bokaedi bogolo:

Pholesi le Patlisiso e dira patlisiso go sekaseka ka fao puso e itsiseng baagi ka ditlhokwa tsa tlhaeletsano le go lekola ka fao mananeo a puso go ya ka molebo wa tlhaeletsano. E laola Makala a mabedi a Patlisiso le Pholesi le Tshekatsheko ya Bobegakgang.

Ditherisano le Bobegakgang di ikaelela go netefatsa gore tiro ya puso e a itsisiwe ka tiriso taolo e e siameng ya bobegakgang jwa boditšhabatšhaba le kantoro ya Palamente. Di tlamela ka tshegetso go Sebueledi sa puso le tshegetse mo nakong ya ditlalelo kwa mafapheng a puso.

Setheo sa Tirelo ya Tlhaeletsano se tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa tsa tlhaeletsano go GCIS le mafapha a mangwe a puso, ditirelo tsa ka tsa fa gare le ka go di ntshetsha kwa ntle. Se tokafatsa le go tlhabolola diteng tsa matsholo a tlhaeletsano ya puso ka go ntsha dipapatso tsa radio kgotsa diterama tsa radio, kgaso ya phatlhalatso mo diteišeneng tsa radio, le mananeo a bidio le dipapatso; go akaretswa ditiragalo (bidio le ditshwantsho); le go tsibogela dikopo tsa botlhami ka ditshupotshwantsho.

Diteng le Bokwadi go ikaelelwa go kwala melaetsa megolo, ditlhogo le puo eo e tla dirisiwang go tlhaeletsa melaetsa eo. E na le maikarabelo go tlhola diteng tsa dikuno tse di ntshiwang ke GCIS.

Badiri go ikaelelwa go tlamela ka tirelo e e nonofileng go GCIS yotlhe go ya ka go thapa, go tshola Badiri ba le teng le go tlhabolola badiri ba ba nonofileng bao ba tla tshegetsang maikaelelo le ponelopele le mekgwa ya GCIS.

Thekenoloji ya Tlhaeletsano e ikarabela go tlamela ka maele a ditogamaano tse di mabapi le Thekenoloji ya tshedimosetso mo lefapheng. E laola le go ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga leano la dingwaga tse 5 la ICT.

Matlole, Thulaganyo ya Taolo ya Tlamelo ya Ditirelo leTaolo ya Dithoto e na le maikarabelo a go tlamela ka maano boeteledipele mo tsamaisang ya matlole le thulaganyo ya taolo ya tlamelo.

Boruni jwa ka fa Gare bo ikarabela go tlamela ka tirelo ya boikemedi le borerisanyi e le gone go tokafatsa tiro ya GCIS le go netefatsa thulaganyo ya Taolo ya masula le bobusi.

Thulaganyo ya Ditogamaano le Tsamaiso ya Mananeo e ikarabela go tlamela ka taolo ya diporojeke ya seporofešenale go kgontsha tiragatso mo go tsweletseng taolelo ya GCIS. Gape e na le maikarabelo a go gokaganya le go tsenya tirisong thulaganyo ya maano le kelotlhoko go ikaegilwe ka melao e e maleba.

Dikgokagano tsa Diporofense le tsa Selegae di ikarabela go tlamela ka maano a boeteledipele mo tirisanong ya tlhaeletsano ya Bosetšhaba le mananeo a tlhaeletsano ya diporofenseng. Ka diofisi tsa diporofense e neelana ka kgokagano e e se nang matsapa mo tlhaeletsanong ya puso.

 

2.2 Sebopego sa tsamaiso sa GCIS

GCIS structure

3. Dintlha tsa kgolagano tsa Motlhankedi wa Tshedimosetso

CEO ke Motlhankedi  wa Tshedimosetso go ya ka PAIA ya 2000. GCIS e na Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso a le mongwe:

4. Kaedi go Khomisene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa (SAHRC) malebana le go dirisa PAIA 2000 [Karolo 14(1) (C)]

SAHRC (e e kailweng fano e le ‘khomišene’) e tla, go ya ka Karolo 10 ya PAIA ya 2000, go rulaganya bukana malebana le tiriso ya Molao. Bukana e e ya go neelwa khomišene. Dipotso dingwe le dingwe tse di amanang le bukana di tshwanetse go lebisiwa go khomišene go:

SAHRC
Private Bag X2700
Houghton
2041

Mogala: 011 484-8300
Fekese: 011 484-1360
Imeili: PAIA@sahrc.org.za

5.Tlhaloso ya dikarolo tseo GCIS e tshotseng direkoto mo go tsona - Karolo 14 (1) (D)

5.1 Malebana le go nolofatsa kopo go ya ka Molao, dikarolo tse GCIS e tshotseng direkoto mo go tsona le dithulaganyo tsa direkoto tse di tshotsweng mo karolong nngwe le nngwe ke tse di latelang:

A. Pholesi le Dipatlisiso

    1. Dipegelo le dikanegote
    2. Ditlhaloso le ditshitshinyo tsa pegelo
    3. Disete tsa tlhaeletsano, dipegelo le ditlhagiso
    4. Setheo sa Tlhabololo le Pharologano ya Bobegakgang (MDDA), Molao, 2002 (Molao wa 14 wa 2002)
    5. Dikaedi tsa tshedimosetso (Kaedi ya Puso ya Aforika Borwa, Kaedi ya Dikgolagano, Kaedi ya Bobegakgang le diphorofaele)
    6. Dipegelo tsa phitlhelego ya bobegakgang jwa boditšhabatšhaba le selegae
    7. Dikwalo tsa diathekele ka botlalo tsa bobegakgang jwa boditšhabatšhaba le selega
    8. Diteng tsa tlhaeletsano le melaetsa megolo.

B. Ditherisano le Bobegakgang

  1. Makwalodikgang
  2. Maano a tlhaeletsano
  3. Bukana ya Batlhaeletsane ba puso
  4. Motswedi wa tshedimosetso ya bobegakgang le batlhaeletsane

C. Setheo sa Ditirelo tsa Tlhaeletsano

  1. Diphasalatso (tse di gatisitsweng)
  2. Dipapatso tsa Kgaso le mananeo
  3. Ditiro tsa papatso le phatlalatso
  4. Dipegelo tsa Theko tsa Bobegakgang
  5. Dipegelo
  6. Ditshwantsho tsa senepe le tsa bidio

D. Diteng le Bokwadi

  1. Dipegelo
  2. Dimakasine
  3. Bibukana tsa thekiso
  4. Tshedimosetso e gone mo webosaeteng ya GCIS, webosaete ya tshedimosetso ya Puso le webosaete ya Ditirelo tsa puso
  5. Ditokomane tsa kaedi ya pholesi
  6. Buka ya Ngwaga ya Aforika Borwa le Bukana ya ka mo Potleng mabapi le Aforika Borwa.

E. Badiri

  1. Dipholesi le dithulaganyo le dibukana
  2. Lekwalodikgang la ka fa gare
  3. Maano a Tsamaiso ya le Tlhabololo ya Badiri
  4. Lenaane la Batlhankedi ba Tshedimosetso mo Pusong

F. Thekenoloji ya Tshedimosetso

  1. Ditokomane le dikaedi tsa pholesi
  2. Dibukana
  3. Dipholesi le dithulaganya
  4. Dipegelo

G. Matlole, Thulaganyo ya Taolo ya Ditirelo le Taolo ya Dithoto

  1. Ditokomane tsa porojeke
  2. Direkoto tsa matlole le dikanego
  3. Dipholesi le Dithulaganyo
  4. Dipegelo

H. Boruni jwa ka fa Gare

  1. Dipegelo

I. Thulaganyo ya Ditogamaano le Tsamaiso ya Mananeo

  1. Ditokomane tsa porojeke
  2. Dipegelo
  3. Bukana ya Tsamaiso ya Porojeke
  4. Lenaneo la Tlhaeletsano ya Puso
  5. Ditokomane tsa Maano.

J. Dikgokagano tsa Diporofense le tsa Selegae

  1. Dipegelo
  2. Maano a Disenthara tsa Thusong
  3. Didiriswa le maano a Tlhaeletsano ya Tlhabololo
  4. Didiriswa tsa go bapatsa le go rekisa
5.2 Direkoto tse ka tlhamalalo di leng teng - Karolo 14 (1) (E)

Tshedimosetso e e leng teng mo webosaeteng ya GCIS e leng www.gcis.gov.za, e senolwa ka boithaopo. Ditlhagisiwa tse dingwe tsa tshedimosetso le didirisiwa tse di senolwang ka boithaopo di akaretsa:

  1. Dipegelo
  2. Dibukana
  3. Makwalodikgang
  4. Didirisiwa tsa papatso
  5. Diphousetara
  6. Diphamfolete
  7. Dipampitshana
  8. Diathekele tsa dikgang mo www.buanews.gov.za/index.html
5.3
(a) Go rebola gongwe go iletsa kopo:

Mokopi o tshwanetse go newa tetla ya go fitlhelela rekoto ya setheo sa setšhaba fa mokopi a ikobela tse di latelang:

  1. Fa mokopi a ikobela ditlhokego tsotlhe tsa thulaganyo tse di mo Molaong tse di amanang le kopo ya go fitlhelela rekoto eo.
  2. Fa phitlhelelo ya rekoto eo e sa ganelwe ka ntlha ya mabaka ape fela a go gana a a kailweng mo Molaong.
(b) Ka moo rekoto e ka fitlhelelwang ka teng:
  1. Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo (Foromo ya A) e e gatisitsweng mo Kaseteng ya Puso (Kitsiso ya Puso ya R187 ya 15 Tlhakole 2002).
  2. Mokopi o tshwanetse gape go tlhalosa gore a o batla khophi ya rekoto, gongwe o eletsa go tla go lebelela rekoto kwa dikantorong tsa GCIS. Go seng jalo, fa rekoto e se sekwalwa se se mo pampiring, e ka lebelelwa ka sebopego se se kopilweng, fa go kgonega.
  3. Fa motho a kopa phitlhelelo ka sebopego se se rileng (sekai, khophi ya pampiri, khophi ya eleketeroniki, jalo le jalo.), mokopi o tshwanetse go bona phitlhelelo ka sebopego seo. Seno se dirwa fa fela e le gore go dira jalo ga go kitla go kgoreletsana le tsamaiso ya setheo sa setšhaba se se amegang, gongwe go senya rekoto, gongwe go gataka tetlokhophi e e sa tsholwang ke Puso. Fa e le gore ga go kgonagale gore phitlhelelo e rebolwe ka sebopego se se kopilweng, mme e ka rebolwa ka sebopego se sengwe, go tshwanetse ga balelwa tefiso go ya ka sebopego se mokopi a se kopileng kwa tshimologong.
  4. Fa e le gore, go tlaleletsa mo karabong e e kwadilweng ya kopo ya rekoto, mokopi o eletsa go tsisiwe tshwetso ka tsela nngwe gape, sekai, ka mogala, seno se tshwanetse go thagisiwa.
  5. Fa mokopi a dira kopo mo boemong jwa motho yo mongwe, o tshwanetse go tlhagisa seemo se mokopi a dirang kopo ka sona.
  6. Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala, gongwe a sa itekanela mo mmeleng, kopo e ka diriwa ka molomo. Motlhankedi  wa Tshedimosetso o tla tshwanelwa ke go tlatsa foromo mo boemong jwa mokopi yoo mme a mo neye khophi ya foromo e e tladitsweng.
(c) Madi a a duelelwang kopo le kitsiso ya tshweetso malebana le phitlhelelo:
  1. Mokopi yo o dirang kopo ya phitlhelelo ya rekoto e e nang le tshedimosetso ya gagwe ya sebele ga a tlhoke go duela tuelo ya kopo. Mokopi yo mongwe fela o tshwanetse go duela tuelo ya kopo ya bokana ka R35.
  2. Motlhankedi  wa Tshedimosetso o tshwanetse go itsise mokopi (ntle le fa e le mokopi wa sebele) ka kitsiso, gore o tshwanetse go duela tuelo ya kopo e e rebotsweng (fa e le teng) le dipositi (fa e le teng) pele ga go ka tswelelwa ka kopo.
  3. Mokopi a ka dira boikuelo jwa ka fa gare, fa go le maleba, gongwe a dira kopo ya kgotlatshekelo kgatlhanong le tshenkelo kgotsa tuelo.
  4. Morago ga gore Motlhankedi  wa Tshedimosetso a tseye tshweetso malebana le kopo, mokopi o tshwanetse go itsisiwe ka tshweetso eo ka tsela e mokopi a batlileng go itsisiwe ka yona.
  5. Fa kopo e rebotswe, gona go tshwanetswe ga duelwa tuelo e nngwe ya go tlhagisa gape le ya go batla le go baakanya, mo nakong nngwe le nngwe e e tlhokegang e e fetang diura tse di beilweng tsa go batla le go baakanya rekoto e e tshwanetseng go senolwa.
  6. Phitlhelelo ya rekoto e tla sekegiwa go fitlhelela go se na go duelwa dituelo tsotlhe tse di maleba.

6. Diphekolo tse di leng teng malebana le kgato kgotsa go retelelwa ke go tsaya kgato

Dithulaganyo tse di latelang di teng mo bathong go bega kgotsa go baakanya ditatofatso tse di sa tlwaelegang, tse di sa tshwanelang gongwe tse di seng mo molaong tsa semmuso gongwe ditlogelo tsa GCIS kgotsa mongwe fela wa wa badiri ba yona:

(a) Dithulaganyo tsa go bega kgotsa go phekola:
  1. Diphekolo malebana le dikgato kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato go ya ka PAIA ya 2000: Bothati jwa boikuelo jwa ka fa gare mo tsweletsong ya Molao ono ke Tona. Morago ga go diragatsa phekolo ya boikuelo jwa ka fa gare, go ka dirwa kopo kwa kgotlatshekelo (dikarolo tsa 78 – 82).
  2. Modiredi puso a ka tsenya ngongorego gore Khomišene ya Tirelo ya Setšhaba e batlisise kgato ya semmuso gongwe tlogelo (Karolo ya 35 ya Molao wa Tirelo ya Setšhaba wa 1994 (Molao wa bo 103 wa 1994).
  3. Motho a ka dirisa diphekolo tsa badiri mabapi le dikgato tsa semmuso kgotsa tlogelo ya e mabapi le go dira, e leng dikgotlhang tsa ditshwanelo (Molao wa Bodiredi Puso wa 1994, Molao wa kamano ya Badiri wa 1995 (Molao wa bo 66 wa 1995).
  4. Motho a ka tsenya ngongorego kwa motlhatlhobing wa badiri malebana le tlolo e e belaelwang ya Molao wa Maemo a a Amogelesegang a Tiro wa 1997 (Molao wa bo 75 wa 1997) – Karolo ya 78(1)(a), gongwe Molao wa Tekatekano ya Tiro wa 1998 (Molao wa bo 55 wa 1998 – Karolo ya 34(e).
  5. Motho a ka tsenya ngongorego go Mosireletsi wa Setšhaba malebana kgato ya semmuso e e belaelwang e e seng mo molaong gongwe e sa lolama gongwe tlogelo (Molaotheo le Molao wa Mosireletsi wa Setšhaba wa 1994 (Molao wa bo 23 wa 1994).
  6. Motho a ka tsenya ngongorego kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa malebana le kgato ya semmuso gongwe tlogelo e go belaelwang e gataka gongwe e le matshosetsi mo tshwanelong nngwe le nngwe e e botlhokwa (Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho wa 1994 (Molao wa bo 54 wa 1994).
  7. Gore motho a sirelediwe kgatlhanong le ipusolosetso ka ntlha ya maitsholo a a seng mo molaong gongwe a a sa amogelesegeng a mothapi gongwe modirammogo, motho yo o amegang a ka latela dithulaganyo tsa tshenolo tse di mo Molaong wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng wa 2000 (Molao wa bo 26 wa 2000).
  8. Motho a ka dirisa diphekolo tse dingwe tsa molao jaaka go rebolwa ga thulaganyo ya tshekatsheko ya semolao ya kgato ya tsamaiso go ya ka Molao wa Tlhatloso ya Bosiamisi jwa Tsamaiso wa 2000 (Molao wa bo 3 wa 2000).
(b) Diphekolo dingwe dingwe tsa tshegetso:
  1. Motho a ka kopa mabaka a kgato ya tsamaiso go ya ka Molao wa Tlhatloso ya Bosiamisi jwa Tsamaiso wa 2000 (Karolo ya 5).
  2. Motho a ka kopa phitlhelelo ya direkoto tsa lefapha la puso gongwe setheo sengwe fela sa setšhaba go ya ka PAIA ya 2000 (karolo ya 11).
(c) Maikarabelo a go bega:
  1. Modiredi puso, mo tirong ya gagwe ya semmuso, o patelesega go ya ka Molao wa Maitsholo go begela bothati jo bo maleba ka tsietso, bobodu, go thapa ka losika, tsamaiso e e sokameng le kgato nngwe le nngwe fela e e tsewang jaaka tlolomolao gongwe e e seng ka fa dikgatlhegelong tsa setšhaba. Modiri yo o sa obameleng seno, o molato wa maitsholomabe. (Molawana B.3 le C.4.10 ya Kgaolo ya bo 2 ya Melawana ya Tirelo ya Setšhaba ya 2001)
  2. Maikarabelo a mothapi mongwe le mongwe a go senola bosenyi le maitsholo mangwe le mangwe a a sa amogelesegeng mo tirong a tshegetsa gape Molao wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng wa 2000 (Pulamadibogo).
 

7. Madi a a kailweng a ditheo tsa setshaba
(Karolo ya ii ya Kitsiso ya bo 187 mo kaseteng ya puso ka 15 Tlhakole 2002)

 
1. Tuelo ya khophi ya Bukana jaaka e kailwe mo Molawaneng wa 5(c) ke R0,60 fothokhophi nngwe le nngwe ya tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona.  
2. Dituelo tsa go dira dikhophi tse di kailweng mo molawaneng 7(1) di a latela:  
(a) Khophi nngwe le nngwe ya tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona R0,60
(b) Khophi nngwe le nngwe e e gatisitsweng ya tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona e e tshotsweng mo khompiuthareng gongwe ka sebopego sa eleketeroniki gongwe se se buisegang mo motšhining R0,40
(c) Khophi e e mo sebopegong se se buisegang mo khompiuthareng mo:  
     (i) Disiking e e kitlaneng R40,00
(d) (i) Kgatiso ya ditshwantshopono, tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona R22,00
     (ii) Khophi ya ditshwantshopono R60,00
(e) (i) Kgatiso ya rekoto ya kutlo, tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona R12,00
     (ii) Khophi ya rekoto ya kutlo R17,00
3. Tuelo ya kopo e e duelwang ke mokopi mongwe le mongwe, ntle le mokopi wa sebele, yo o kailwang mo molawaneng wa 7(2) ke R35,00
4.

Dituelo tsa phitlhelelo tse di duelwang ke mokopi yo o kaiwang mo molawaneng wa 7(3) di a latela:

 
  1. (a) Khophi nngwe le nngwe ya tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona R0,60
     (b) Khophi nngwe le nngwe e e gatisitsweng ya tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona e e tshotsweng mo khompiuthareng gongwe ka sebopego sa eleketeroniki gongwe se se buisegang mo motšhining R0,40
     (c) Khophi e e mo sebopegong se se buisegang mo khompiuthareng mo:  
         (i) Disiking e e kitlaneng R40,00
     (d) (i) Kgatiso ya ditshwantshopono, ya bogolo jwa tsebe ya A4 gongwe karolo ya yona R22,00
          (ii) Khophi ya ditshwantshopono R60,00
     (e) (i) Kgatiso ya rekoto ya kutlo, tsebe ya bogolo jwa A4 gongwe karolo ya yona R12,00
          (ii) Khophi ya rekoto ya kutlo R17,00
     (f) Go batla le go baakanyetsa rekoto go senolwa, R15,00 ura nngwe le nngwe gongwe karolo ya ura, go sa akarediwe ura ya ntlha, e go amogelesegang gore e tlhokega go batla le go baakanya.  
  2.Go tsweletsa mabaka a Karolo ya 22(2) ya Molao, go diragadiwa tse di latelang:  
     (a) Diura di le thataro e le diura tse di tshwanetseng go fetwa pele ga go ka duelwa dipositi
 
     (b) Mokopi o tshwanetse go duela nngwe tharong ya tuelo ya phitlhelelo jaaka dipositi.  
  3. Tuelo ya nnete ya go posa e duelwa fa go tlhokega gore khophi ya rekoto e posediwe mokopi.  

8. Diforomo tse di kailweng malebana le phitlhelelo ya rekoto ya setheo sa setshaba

E rulagantswe ke
Motlatsa Motlhankedi wa Tshedimosetso wa GCIS:
Rre Keitumetse Shadrack Semakane

top

footer

Bookmark and Share

Last updated 17-Oct-2011
footer